Русские видео

Сейчас в тренде

Иностранные видео


Скачать с ютуб Sefela 101 | Didimala, legodimo| Kopelo ya Kereke ya Lutere (Setswana) в хорошем качестве

Sefela 101 | Didimala, legodimo| Kopelo ya Kereke ya Lutere (Setswana) 3 года назад


Если кнопки скачивания не загрузились НАЖМИТЕ ЗДЕСЬ или обновите страницу
Если возникают проблемы со скачиванием, пожалуйста напишите в поддержку по адресу внизу страницы.
Спасибо за использование сервиса savevideohd.ru



Sefela 101 | Didimala, legodimo| Kopelo ya Kereke ya Lutere (Setswana)

1Didimala, legodimo! / Batho, tlaang iteleleng! / Gonne Kwana ya Modimo / e ineela botlhokong. 2Mo lebeng, Mohutsafadi / yo o leng Getsemaneng, / jaaka a fufula madi / ka kampano mo moweng. 3Joo! Jutase a mo atla, / go mo eka mo bathong; / a golegwa ka dikgole, / a isiwa tshekisong. 4Teng ba mo logela maano, / ene yo o siameng, / ba mo rwesa sefapaano, / ba mo isa kwa thabeng. 5Mme mo felong ga dikgata, / foo ba tshwana le manong, / ba mo kokotella thata / ka dimapo s'fapaanong. 6Ba mmapola le basenyi / legonyeng le ' rogilweng; / mme ga kwalwa ga Moitshepi / se o se bolaetsweng. 7Jesu o n' a rapelela / dira tse di mmapotseng / a re: "Rra, ba itshwarele, / kaM e le ba ba sa itseng." 8Joo! Lefifi le lenyora / le molete le dikgang! / Tsotlhe di ne tsa mo tlhora, / ya nna tse di mmolayang. 9Mme dikgalo tsa oketsa / dintho tse di sa balweng. / Thekololo a e fetsa / ka go boga Golgoteng. 10Mme a kua a re: "Rara, / ke go neela diatleng / mowa wa me go o tshola." / Mme a swela s'fapaanong.

Comments